Keteko yaga Solomon Plaatje ko SPU
Kutlwano Kgaoganyeng
Yunivesithi ya Sol Plaatje (SPU) e nnile le thulaganyo ya lenaneo la beke yotlhe go tlotla ditiro tsa ga Sol Plaatje tsa bonatla mo thutong, mo puong, mo dikwalong, setso le tshiamiso ya loago.
Thulaganyo e e tsweletse go tloga ka 5 go ya go 10 Diphalane 2026, mme e kopantshitse boidiidi go tla go ikgopotsa ka botshelo jwa ga Sol Plaatje le botlhokwa jwa go boloka boswa jwa gagwe.
Ka Mosupologo, 5 Diphalane, thulagano e simolotse ka tshirololo ya letlapa la segopotso pele ga go tlaa iwa kwa khampaseng e e kgolo ya Yunivesithi ya sol Plaatje koo tonakgolo ya thuto e kgolwane le katiso, Buti Manamela e neng e le sebui se segolo.
O ne a bua ka maatla a go kwala, a tlhalosa pene jaaka sedirisiwa sa kgololesego. Ngaka Lesley Mofokeng le Ngaka Otshepeng Moletsane ba ne ba tswelela ka go sekaseka seabe sa ga Plaatje mo go tlhabololeng Setswana se se kwadilweng le botlhokwa jwa go sireletsa puo. Ngaka Otshepeng Moletsane o ne a gakolola batsayakarolo boikarabelo jwa bone mo go tsweletseng le go godisa Setswana mo tsebeng ya dijithale.
Ka Labobedi, dipuisano di ne di lebisitswe mo dibukeng tsa ga Plaatje tse di nang le tlhotlheletso e e kgolo, Native Life in South Africa le Mhudi, le botlhokwa jwa tsone jo bo tswelelang go tlhagelela mo dipuisanong ka ga dipuo tsa Aforika, boitshupo le tshiamiso ya hisitori.
Dibui, Profesara Shole J. Shole le Rre Kabelo Kgatea le bone ba ne ba buisana ka go busediwa ga dikwalo kwa gae(repatriation), ba supa fa go le botlhokwa gonne go busetsa maAforika mantswe a bona, go boloka hisetori le go ba naya boitshupo jwa bona.
Go ne ga latela thuto ya phatlalatsa ka Ngaka Sebeka Plaatjie, e e neng ya sekaseka botlhokwa jwa ga Plaatje mo dipuisanong tsa gompieno mo nakong e bokoloniale bo fedileng.
Comments are closed.