Kapa Bokone e Phuthulola Didiriswa tsa Ditsela
Kutlwano Kgaoganyeng
Lefapha la Ditsela le Ditiro tsa Setšhaba la Kapa Bokone le koneseditselenaneo la go anamisa didiriswa tsa go baakanya ditsela tsa Yellow Fleet mo dikgaolong tsotlhe di le tlhano ka go neela kgaolo ya Frances Baard digoruli di le pedi le dithoti di le pedi ka kgwedi ya Diphalane 2026.
Kabo eno e tshwaya bokhutlo jwa go anamisiwa ga didiriswa mo dikgaolong tsotlhemorago ga dikabo tse di neng di dirilwe kwa dikgaolong tsa John Taolo Gaetsewe, ZF Mgcawu, Namakwa le Pixley ka Seme. Ke karolo ya peeletso ya lefapha ya R98 milione mo didirisweng tsa Yellow Fleet mo porofenseng. Maikaelelo e le go nontsha bokgoni jwa go tlhokomela ditsela le go direla batho.
Tona wa Ditsela le Ditiro tsa Setšhaba, Bentley Vass, o ne a patilwe ke Meyara ra wa Khuduthamaga wa Mmasepala wa Sol Plaatje;Martha Bartlett, Meyara wa Mmasepala wa Magareng; Neo Mase, Meyara wa Mmasepala wa Phokwane; Willem Harmse; le Meyara wa Khuduthamaga wa Mmasepala wa Dikgatlong; Joyce Tshwanagae.
Vass ogateletse botlhokwa jwa tirisanommogo e e nonofileng fa gare ga lefapha le bommasepala, go tokafatsa seemo sa ditsela le go netefatsa gore maiteko a puso a tlisetsa baagi ntlha e e bonalang.
A re Lefapha le bommasepala ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa bone mmogo le go fetolela tirisanommogo eo go nna tiro e e dirwang mo mmung
“Baagi ba rona ba itemogela tiriso yaditsela jaaka loeto lo le lengwe, le fa loeto loo lo ka feta mo ditseleng tse di tlhokomelwang ke balaodi ba ba farologaneng. Seno se dira gore tirisanommogo e nne botlhokwa thata,” ga rialo Vass.
Go ya ka Vass, digoruli tse pedi di tla nonotsha tlhokomelo ya ditsela tsa mmu ka go lekalekanya le go bopa sesha ditsela. Fa dilori tsone di tla thusa ka go tsamaisa badiri le didiriswa tsa tiro go ya kwa mafelong a tiro.
Vass o rile peeletso eno e tshwanetse go lekanngwa ka seabe sa yone mo go direng gore maeto a nne a a babalesegileng, go tlholaphitlhelelo e e babalesegileng ya ditirelo tsa botlhokwa le go tsamaisa dithoto.
“Ka fa morago gasegoruli sengwe le sengwe go na le baagi ba ba letetseng tsela e e botoka jaaka molemi yo o tsamaisang dijalo tsa gagwe, modiri yo o rweleng makuku ka tlhogo, mosadimogolo yo o yang go tsaya ditlogolwana tsa gagwe le barutwana ba ba tlhokang ditsela tse di babalesegileng go ya sekolong.
“Boleng jwa peeletso eno bo tla lekanngwa ka maeto a bone a letsatsi le letsatsi,” o ne a rialo.
Bartlett o ne a amogela peeletso eno boemong jwa bommasepala. a gateletse botlhokwa jwa go tsaya dikgato tse di rulagantsweng mmogo mo maemong otlhe a puso.
“Se ga e se fela go tlamela ka didiriswa tsa Yellow Fleet; ke peeletso mo baaging ba rona le boitlamo jwa go tokafatsa boleng jwa mafaratlhatlha a rona. Ka tirisanommogo magareng ga maemo otlhe a puso, bommasepala ba ka nna le seabe se se botlhokwa mo go tokafatseng ditsela le kabo ya ditirelo,” ga rialo Mokhanselara Bartlett.
Bophara jwa Kapa Bokone, maemo a bosa a a sa kgatlhising a baya matshelo a batho mo kotsing le go baya kgatelelo e kgolo mo marangrang a ditsela tsa porofense eno. Didiriswa tse di tla nonotsha bokgoni jwa Kgaolo ya Frances Baard jwa go dira tlhokomelo ya ditsela e e tlhokegang.
Vass o gateletse gore tiriso e e maleba ya didiriswa tseno e tshwanetse go salwa moragoka tlhokomelo, go tla nna le badiri ba ba katisitsweng, le direkoto tse di nepegileng tsa tiriso.
“Metšhine eno ke dithoto tsa setšhaba, tse di rekilweng ka madi a setšhaba go direla setšhaba. Tiriso le tlhokomelo ya yona di tshwanetse go bontsha maikarabelo ao,” ga rialo MEC Vass.
O kopile gore go dirwe tlhokomelo ya thibelo ya tshenyo ya metšhine. A ikuela gore diphoso tse di itemogelwang mo metšhining di begwe ka bonako gore di baakanngwe ka bonako go efoga dikgoreletsi mo ditirong tsa tlhokomelo ya ditsela. Gape o gateletse botlhokwa jwa go ipaakanyetsa dikgwetlho tsa dipaka tse di farologaneng, go akaretsa go tlhokomela ditsamaiso tsa go elela ga metsi le go netefatsa gore dipeipi tse di ka fa tlase ga ditsela di nna di sa thibana.
Ka Modele wa Tlhabololo ya Kgaolo (District Development Model), Lefapha le tla tswelela go dira mmogo le bommasepala go rulaganya dilo tse di tlang pele, go nonotsha tirisanommogo magareng ga makala a puso le go fetola mafaratlhatlha go nna diphetogo tse baagi ba di bonang.
Fa a konesetsa moletlo wa kabo ya didiriswa, Vass o kopile ditlhopha tsa kgaolo go tsweletsa go tukisa molelo o o simolotsweng ka kabo ya didiriswa mo porofenseng.
“Gompieno re konesetsa lenaneo la go aba didiriswa. Tiro e metšhine eno e reketsweng go e dira jaanong e tshwanetse go tswelela ka matlhagatlhaga. Gompieno re aba dinotlolo, go tloga fano re tshwanetse go tlisa dipholotse di solofetsweng.”
Comments are closed.