Lefapha la Boitekanelo le tokafatsa maemo mo Kapa Bokone

Ka Olebogeng Molale

Mokhuduthamaga wa lefapha la boitekanelo mo profenseng ya Kapa Bokone Maruping Lekwene are o itumelal go bona maemo ao a tsweletseng go fetoga le go tokafala mo lefapheng la gagwe seno ke jaaka naga e tsweletse go samagana le leroborobo la mogare wa Covid 19.

Lekwene o buile seno morago ga gore lefapha la gagwe le itsese gore letladitse diphatlhatiro dile makgolo a mane some a mabedi le bone (424) ka badiredi ba tsa itekanelo jaaka baoki dingaka le baitsanape ba malwetse mo didikeng tshotlhe tsa profense.Sedika sa Namakwa se abetswe badiredi bano ba itekanelo bale masome a matlhano le bobedi,(52) ,John Taolo Gaetsewe yone ke bale masome a mane le boraro , ZF Mgcawu Masome a matlhano supa(57),Pixley Ka seme masome a matlhano supa(57),Frances Baard masome a matlhano robedi(58) fa bookelo jwa profense jwa Robert Mangaliso Sobukwe bo abatswe badire bale lekgolo some a mane le borobedi(148).

Mokhuduthamaga Lekwene are batla tswelela go leka go bona gore ba thapa badire bao ba naleng maitemogelo le bokgone jo bo kgethegileng,are etlare goise goye gope a netefatse fa go thapiwa gape badire bao ba phepafatsang,bao ba thusang balwetse bao sa kgoneng go itsemaisa gammogo le dicleck mo ditheong tsotlhe tseo di itemogelang tlhaelo.

“Jaaka ntse ke tsweletse go etela maokelo a farologaneng mo profenseng ke lemogile dikgwetlho tseo dileng gone letsatsi le letsatsi,bo amaruri ke gore badire mo maokelong kana mo ditheong tsa rona tsa itekanelo ba iphitlhela ba tshwanetse go samaga le mathata ao aleng gone,ka jaalo re batla go fetola maemo gotlhelele le go bona gore re thapa batho bao ba kgathalelang baagi,re batla batsamaise bao batla netefatsang gore baagi ba bona ditirelo tseo di ba tshwanetseng.”Lekwene a tlhalosa

O boetse gape a leboga badire botlhe mo lefapheng la gagwe ka go dira ka natla go leka go pholosa matshelo a batho,one a bowa gape a romela molaetsa wa matshediso go ba masika a badire ba feta some le bone bao ba tlhokofetseng kantla ya mogare wa covid 19.

Comments are closed.