Thankgololo ya !Xao journal: Go tlotla boswa jwa ga Solomon Tshekisho Plaatje mo bokwading
Kutlwano Kgaoganyeng
Sol Plaatje University Centre for Creative Writing and African Languages e ne e thankgolola ‘!Xao Journal for New Writing’ semmuso go tlotla le go keteka boswa jwa ga Sol Plaatje mo bekeng ya segopotso sa gagwe.
Thankgololo e tshwerwe mo letsatsing la Labotlhano 09 Diphalane 2026.
Jenale e, ke ngatana ya dikgangkhutswe tsa baithuti ba dijara tse di fitileng bao ba neng ba ithutela bokwadi le botlhami kwa Univesithing ya Sol Plaatje.
Dikhutswe tsa bona di kwadilwe ka Seesimane le Setswana, fa tsedingwe di tla di tlhakanya Seesimane, isiXhosa le isiZulu.
Tsotlhe di humile ka megopolo le maitemogelo a a farologaneng ao baithuti ba buileng ka ona mo dipuisanong tsa thebolo ya Jenale.
Thankgololo e e kopantshitse bakwadi, baitseanape ba puo, le baithuti bao ba ileng ba tsaya karolo mo dipotsong le dikarabo.
Maitemogelo a a mo botlhaming jwa baithuti a supa gore dibuka le dikwalo di ka tlhotlheletsa megopolo, segolobogolo, di ka boloka le go sireletsa puo le setso.
Se se bontshang gore Sol Plaatje o tlogetse bokwadi mo matsogong a dinatla.

Comments are closed.