Dikgosi tsa setso mo Kapa Bokone di fitlhelela tlotlo ya bosetšhaba kwa SATLA

Translated by Kutlwano Kgaoganyeng

MEC Lebogang Motlhaping, yo o rweleng maikarabelo a Cooperative Governance, Human Settlements and Traditional Affairs(CoGHSTA) mo Kapa Bokone, o fetiseditse dikakgolo tsa gagwe go Kgosi Pelonomi Toto le Kgosi Bakang Phetlhu morago ga diphenyo tsa bona tse di tswileng diatla tse ba di fitlheletseng kwa South African Traditional Leaders Awards (SATLA).

Moletlo wa bosetšhaba o o tlotlegang, o o neng o tshwaretswe kwa Sun City Resort kwa porofenseng ya Bokone Bophirima ka Lamatlhatso, 21 Ngwanatsele 2026, o ne o keteka botswerere, tlhabololo ya loago, le bodibedi jwa setso mo setheong sa boeteledipele jwa setso go ralala Aforika Borwa.

Kgosi Pelonomi Toto, yo gape a direlang jaaka modulasetulo wa ntlo ya baeteledipele ba setso le Bakhoi-San ba porofense ya Kapa Bokone, o ne a tlotliwa ka sekgele sa moeteledipele wa setso yo o gaisang mo go busetseng seriti mo basading.

Kgosi Bakang Phetlhu a ne a gapa dikgele di le pedi, e leng sa gore o nnile moeteledipele wa setso yo o gaisang mo bolemeruing le sa go nna moeteledipele wa setso yo o gaisang ka go godisa le go dibela dipuo tsa setso.

Fa a amogela dikgang tsa diphenyo tsa bona, MEC Motlhaping o akgotse baeteledipele ka bobedi go fofisa folaga ya Kapa Bokone kwa godimo mo seraleng sa bosetšhaba le go supa seabe se se botlhokwa se boeteledipele jwa setso bo nang le sone mo pusong ya segompieno ya metseselegae le mo go tlhatloseng loago le ikonomi.

“Mo boemong jwa puso ya porofense ya Kapa Bokone le lefapha la CoGHSTA, ke eletsa go fetisa boikgantsho jwa rona jo bo tseneletseng le dikakgolo go Kgosi Toto le Kgosi Phetlhu ka dikgele tseno tsa bosetšhaba tse di ba tshwanetseng,” ga rialo MEC Motlhaping.

“Kakgolo ya ga Kgosi Toto ya go busetsa seriti sa basadi ke bosupi jo bo nonofileng jwa boeteledipele jo bo gatelang pele. Boeteledipele jo bo tswileng pelo, jo bo tshegetsang tshiamiso ya bong, e bile bo sireletsa ba ba mo kotsing, le go nonotsha maitsholo a baagi.

Ka fa letlhakoreng le leng, phitlhelelo e kgolo ya ga Kgosi Phetlhu ya go thapa dikgele tsa moeteledipele wa setso yo o gaisitseng mo bodibeding jwa puo le moeteledipele wa setso yo o gaisang mo temothuong e a mo tshwanela. Go bontsha boeteledipele jwa gagwe jo bo nang le pono le boineelo jwa gagwe jo bo sa reketleng jwa go somarela boswa jwa rona jo bo humileng jwa setso fa a ntse a rotloetsa bokgoni jwa temothuo le pabalesego ya dijo mo baaging.” 

MEC Motlhaping o tlaleleditse ka gore diphitlhelelo tseno di netefatsa gape maitlamo a puso ya porofense a go dirisana mmogo thata le setheo sa boeteledipele jwa setso go itlhaganedisa thebolo ya ditirelo le go rotloetsa tlhabololo e e akaretsang go ralala baagi ba metseselegae.

“Dikabo tseno ga di keteke fela botswerere jwa motho ka bongwe; di phatsimisa lesedi mo go itsetsepeleng, le boineelo jwa baeteledipele ba setso go ralala Kapa Bokone. Ekete tirelo ya bone e e tlhomang sekao e ka tswelela go tlhotlheletsa baeteledipele ka bone le go tsholetsa baagi ba ba ba direlang,” ga konela jalo MEC.

Mo karolong e e amang maikutlo thata ya maitseboa, SATLA gape e ne ya tlotla baeteledipele ba ba tlotlegang ba setso ba matshelo a bone le tirelo ya bone di tlogetseng letshwao le le nnelang ruri mo baaging ba bone le ba boswa jwa bone bo tswelelang go tlhotlheletsa botshelo.

Kgosi Luka Jantjie o ne a tlotliwa ka Sekgele sa Ubuntu ka ntlha ya boeteledipele jwa gagwe mo go lwantsheng  bo-imperiale jwa Borithane, fa Kgosi Toto Makgolokwe le ene a ne a tlotliwa morago ga loso lwa gagwe ka Sekgele sa boswa jwa gagwe. Kgosi Makgolokwe o ne a golegilwe kwa setlhaketlhakeng sa Robben go tloga ka 1897 go fitlha a tlhokafala ka 1901.

Comments are closed.