Lefapha le tswetse dikolo tsa Namakwa ka ntlha ya maemo a loapi

E fetotswe ke: Kutlwano Kgaoganyeng

Lefapha la Thuto la Kapa Bokone le tshotse tshwetso ya go tswala dikolo tsotlhe mo kgaolong ya Namakwa ka Mosupologo, 14 Lwetse 2026, morago ga tlhagiso ya maemo a bosa a Yellow Level 4 a a ntsheditsweng mo kgaolong eo.

Ponelopele e bontshitse kgonagalo ya dipula tse di maatla, merwalela le ditsela dingwe tse di sa kgoneng go dirisiwa, tse di ka nnang kotsi thata mo baithuting, barutabaneng, badiredi ba ba thusang, le mo malokong a a amanang le dikolo.

Sebueledi sa lefapha Geoffrey van der Merwe o tlhalositse gore ka maikaelelo a go sireletsa pabalesego le boitekanelo jwa mongwe le mongwe, ga go na moithuti ope yo o letlilweng goya sekolong e bile ga go na ditlhatlhobo tse di kwadilweng ka Mosupologo, Lwetse 14, 2026.

“Lefapha le a amogela gore baithuti ba mophato wa marematlou ba ne ba tshwanetse go kwala dipampiri tsa bone tsa tlhatlhobo ya ipaakanyo tsa Physical Science le Technical Science ka Mosupologo.

“Re rata go tlhomamisetsa baithuti, batsadi le dikolo gore Lefapha le na le dipampiri tsa tlhatlhobo tsa tlaleletso tse di bolokilweng tsa dirutwa tse pedi tse.

“Dithulaganyo tse di tlhokegang di tlaa itsisiwe dikolo fa maemo a bosa a sena go sekasekwa mme go babalesegile go tswelela ka ditlhatlhobo,” ga bua Van der Merwe.

“Lefapha le tlhaloganya botlhokwa jwa ditlhatlhobo tsa ipaakanyo tsa mophato wa marematlou e bile le tswelela go itlama go netefatsa gore go kgorelediwa ke maemo a bosa a a sa itumediseng ga go ame baithuti ka tsela e e sa siamang.

“Go tlaa tsewa dikgato tse di maleba go tlhomamisa gore dipampiri tsa tlhatlhobo tse di amegang di tlaa kwalwa mo letlheng le le tlang.”

“Ka jalo, re ikuela go batsadi le batlhokomedi go tshwara baithuti kwa gae ka Mosupologo, go tila go tsaya maeto a a sa tlhokegeng ka nako ya maemo a bosa a a kotsi.”

Van der Merwe o tshepisitse gore kantoro ya Kgaolo ya Namakwa e tlaa nna e ntse e buisana le bagokgo kgotsa baeteledipele ba dikolo le batsayakarolo ba ba maleba go ela tlhoko diphetogo le go rulaganya go tsenngwa tirisong ga leano le sele.

Comments are closed.